factograf
TN
Sign in

Phupelo

Phupelo
All data from the card 10
Specialty
Pulmonology
Dikai
Recurring episodes of wheezing, coughing, chest tightness, shortness of breath
Ditshimologo tse ditwaelesegileng
Typically in childhood / before age 25 years
Duration
Long term
Causes
Genetic and environmental factors
Risk factors
Air pollution, allergens (viral infection, dust, smoke, animal fur, perfume), some medicines
Diagnostic method
Based on symptoms, response to therapy, spirometry
Treatment
Avoiding triggers, inhaled corticosteroids, salbutamol
Frequency
262 million (2019)
Deaths
455,000 (2019)

Bolwetse jwa Phupelo ke bolwetse jo bo tlwaelegileng jwa thurugo ya nako e telele ya ditsela tsa mowa tsa mafatlha. E tlhaolwa ka dikai tse di farologaneng tse di ipoeletsang, kgoreletso ya kelelo ya mowa e e ka busediwang morago, le go ruruga ga matshwafo go go ka nnang teng bonolo; go tlhotlhora, go gotlhola, go tlhaela mowa, le go gagamala ga sehuba. Tseno di ka diragala makgetlo a le mmalwa ka letsatsi kgotsa makgetlo a le mmalwa ka beke. Dikai tsa bolwetse di ka kgoreletsa boroko kgotsa tsa nna maswe le go feta fa o itshidila mmele.Bolwetse jwa Phupelo boka itshupa gape ka letsapa,go sitwa mo go ipoeletsang, kgotsa go sa itekanela sentle.

Go akanngwa gore bolwetse jwa Phupelo bo bakwa ke kopano ya mabaka a lotsalo le a tikologo. Mabaka a tikologo a akaretsa go tlhagelela mo kgotlhelong ya mowa le dialeji. Dilo tse dingwe tse di ka bakang bolwetse jono di akaretsa melemo e tshwana le bo aspirin le di-NSAID tse dingwe, dithibela-beta, le dithibela-ACE.Kalafi ka kakaretso e ikaegile ka mokgwa wa dikai, tsibogelo ya kalafi fa nako e ntse e tsamaya, le teko ya tiro ya makgwafo ya spirometry.Bolwetse jwa Phupelo bo aroganngwa go ya ka makgetlo a dikai, mothamo wa go hema ka ka thata mo motsotswaneng o le mongwe ( FEV1), le seelo sa go hema se se kwa godimo. Ka tlwaelo e ntse e arotswe ka atopic le e seng ya atopic; akanya gore seno ke go nolofatsa go feta selekanyo.

Ga go na kalafi. Dikai di ka thibelwa ka go emisa kgotsa go fokotsa ditlhotlheletsi, jaaka dialeji le dilo tse di tenang, le go laolwa ka tiriso ya di-corticosteroid tse di hemiwang. Di- beta agonist tse di dirang nako e telele (LABA), di- antagonist tsa muscarinic tse di dirang nako e telele (LAMA) le di- antileukotriene di ka dirisiwa mo godimo ga di- corticosteroid tse di hemiwang fa matshwao a bolwetse a sa laolege. Kalafi ya matshwao a a ntseng a gakala ka bonako gantsi e dirisiwa ka go hema seokobatsi sa beta-2, se se jaaka salbutamol, le di-corticosteroid tse di nowang ka molomo. Mo maemong a a masisi thata, go ka nna ga tlhokega gore motho a tshelwe corticosteroid mo ditshikaneng, magnesium sulfate, le go robadiwa kwa bookelong.

Ka ngwaga wa 2019, batho ba le dimilione di le makgolo a mabedi,masome a marataro le bobedi lefatshe ka bophara ba ne ba na le asma, go tswa go dimilione di le lekgolo,masome a robabobedi le boraroka ngwaga wa 1990. E bakile dintsho di ka nna 455 000 ka ngwaga wa 2019, tse bontsi jwa tsone di diragetseng kwa mafatsheng a tlhabologang. Phupelo gantsi e simolola mo bongwaneng, gantsi pele ga dingwaga di le masome a mabedi le botlhano, fela go simolola go ka nna mo dingwageng dipe fela. Basimane ba amega kgapetsakgapetsa go feta basetsana mme basadi ba amega go feta banna. Dikelo di menagane gabedi mo halofong ya bobedi ya ngwagakgolo wa bo 20, ka dikelo tse di kwa godimo mo dinageng tse di tlhabologileng. Go lebega go na le dikelo tse di kwa tlase mo bathong ba ba golang mo ditikologong tsa temothuo. Phupelo e ne e lemogwa go tloga kwa Egepeto wa Bogologolo. Lefoko "asthma" le tswa mo Segerikeng ἅσθμα., ásthma, e e kayang "go hemela kwa godimo".

Read next

In 125 languages

tnAfrikaansaragonésالعربيةالدارجةمصرىঅসমীয়াasturianuअवधीazərbaycancaتۆرکجهбашҡортсаBoarischžemaitėškaBikol CentralBajau SamaбеларускаябългарскиBanjarবাংলাབོད་ཡིགbosanskicatalà閩東語 / Mìng-dĕ̤ng-ngṳ̄CebuanoᏣᎳᎩکوردیčeštinaCymraegdanskDeutschΕλληνικάEnglishEsperantoespañoleestieuskaraفارسیFulfuldesuomifrançaisGaeilgekriyòl gwiyannengalegoGhanaian PidginગુજરાતીHausa客家語 / Hak-kâ-ngîעבריתहिन्दीhrvatskiKreyòl ayisyenmagyarհայերենԱրեւմտահայերէնinterlinguaBahasa IndonesiaIdoíslenskaitaliano日本語JawaქართულიTaqbaylitқазақшаಕನ್ನಡ한국어кыргызчаLatinaລາວlietuviųlatviešuMalagasyмакедонскиമലയാളംमराठीBahasa Melayuनेपालीनेपाल भाषाNederlandsnorsk nynorsknorskoccitanଓଡ଼ିଆਪੰਜਾਬੀKapampanganpolskiپښتوportuguêsRuna Simiikirundiromânăрусскийसंस्कृतम्саха тылаسنڌيdavvisámegiellasrpskohrvatski / српскохрватскиසිංහලSimple EnglishslovenčinaslovenščinaSoomaaligaсрпски / srpskiSundasvenskaKiswahiliதமிழ்తెలుగుไทยTürkmençeTagalogTürkçeтатарча / tatarçaукраїнськаاردوoʻzbekcha / ўзбекчаTiếng ViệtwalonWinaray吴语Vahcuengh閩南語 / Bân-lâm-gí粵語中文

Text from Wikipedia, CC BY-SA 4.0 · Source article