Bethany Jane Mead MBE (yo o tshotsweng ka Motsheganong a ferabongwe 1995) ke motshameki wa kgwele ya dinao ya profeshionale yo o tshamekang kwa pele mo setlhopheng sa Women's Super League (WSL) sa Arsenal le sa bosetshaba sa Enyelane.
Motshameka pele yo o yo o botlhale ebile a atlegile, o na le dithuso tse di gaisang tsa dinako tsotlhe le go nna wa bobedi wa dinako tsotlhe mo go tsenyeng letsogo mo dinnong mo liking ya WSL. E ne le Vivianne Miedema ba kopanetse tlotla ya go nna motshameki wa ntlha go goroga kwa palogotlhe e e kopaneng ya dinno le dithuso tse lekgolo mo WSL. Kwa UEFA Women's Euro 2022, o ne a fenya tlotla ya Golden Boot, motshameki wa kgaisano, le yo o tisitseng dithuso tse di kwa godimo, a isa Enyelane go fenya kgaisano e kgolo e le lantlha. Moragonyana mo ngwageng o o, o ne a bidiwa e le BBC Sports Personality of the Year, e nna mme wantlha wa motshameki wa kgwele ya dinao go fenya tlotla eo ya seemo se se kwa godimo; abo a fetsa mo maemong a bobedi mo Ballon d'Or le UEFA Player of the Year.
